BAEBELE e e Boitshepo 1992
|
| 1 |
| “O se ka wa tshola mafoko fela a e seng one; o se ka wa patagana le moikepi go nna mosupi yo o sa siamang nae. |
| 2 |
| O se ka wa sala bontsi morago mo go direng bosula; le gone o se ka wa supa ka ga se se ganelwang wa sala bontsi morago go faposa katlholo; |
| 3 |
| le gone o se ka wa tshaba le se se ganelwang sa mohumanegi ka mokgwa wa botsalano. |
| 4 |
| “Fa o kopana le kgomo ya mmaba wa gago e timetse, gongwe esela ya gagwe, o e busetse ruri kwa go ene. |
| 5 |
| Fa o fitlhela esela ya yo o go ilang e robaditswe ke mokgweleo wa yone, mme o bo o rata go gana go e mo thusetsa, o thusanye nae ruri. |
| 6 |
| “O se ka wa sokamisa tshiamiso ya mohumanegi wa gago mo go se se ganelwang sa gagwe. |
| 7 |
| O ipeye kgakala le selo sa kako; o se ka wa bolaya yo o se nang molato le yo o siameng, gonne ga nketla ke siamisa moikepi. |
| 8 |
| Le gone o se ka wa amogela neo epe, gonne neo e tle e foufatse ba ba bonang, e fapose mo go sekwang ga mosiami. |
| 9 |
| “O se ka wa patika moeng; gonne lo a e itse pelo ya moeng, e tswa le lona lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto. |
| 10 |
| “O leme lefatshe la gago ka dinyaga di le thataro, o rorele totafalo ya lone mo gae. |
| 11 |
| O le lese le lapologe ka ngwaga wa bosupa, le nne fela le sa lengwe; gore bahumanegi ba batho ba gago ba je; mme se ba se tlogelang, phologolo ya naga a e se je. O tle o dire jalo ka tshimo ya gago ya mafine le ya matlhware. |
| 12 |
| “O dire tiro ya gago ka malatsi a le marataro, ka letsatsi la bosupa o itapolose; gore kgomo ya gago e bone tapologo, le esela ya gago, le gore morwa lelata la gago, le moeng, ba tle ba fomole. |
| 13 |
| “Dilo tsotlhe tse ke di buileng le lona, lo di tseye tsia, lo se ka lwa umaka maina a medimo e sele, a se ka a utlwiwa mo melomong ya lona. |
| 14 |
| “Ntirela modiro gararo ka ngwaga. |
| 15 |
| Modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang o o dire; o je senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa, jaaka ke go laotse, ka lobaka lo lo tlhomamisitsweng, ka kgwedi ya Abibe (gonne o dule mo Egepeto ka yone); mme go se ka ga bonala ope fa pele ga me a iphotlhere fela. |
| 16 |
| “O tlaa tshegetsa le modiro wa molomo, mabutswapele a ditiro tsa gago a o a jalang mo lotlhagareng; le modiro wa go rora mo bokhutlong jwa ngwaga, fa o rora ga ditiro tsa gago mo lotlhagareng. |
| 17 |
| Lonna lotlhe lwa gago lo bonale gararo ka ngwaga fa pele ga Jehofa Modimo. |
| 18 |
| “Madi a setlhabelo sa me o se ka wa a isa le senkgwe se se bedisitsweng; le gone mahura a modiro wa me a se lale go fitlhelwa ke ka moso. |
| 19 |
| “Sa ntlha sa mabutswapele a mmu wa gago o se ise mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago. O se ka wa tlhadia potsane ka maši a mmaayo. |
| 20 |
| “Bona, ke roma moengele fa pele ga gago, go go dibela mo tseleng, le go go fitlhisa mo felong fa ke go baakantseng. |
| 21 |
| Lo itise mo go ene, mme lo reetse lentswe la gagwe; lo se ka lwa mo rumola, gonne ga a ketla a itshwarela tlolo ya lona; gonne leina la me le mo go ene. |
| 22 |
| E tlaa re fa ruri o reetsa lentswe la gagwe, o ba o dira tsotlhe tse ke di buang, ke tlaa nna mmaba wa baba ba gago, le moganetsi wa baganetsi ba gago. |
| 23 |
| Gonne moengele wa me o tlaa tsamaya fa pele ga gago, a ya go go fitlhisa mo go Moamore, le Mohite, le Moperise, le Mokanana, le Mohife, le Mojebuse; mme ke tlaa ba kgaola ke ba tlosa. |
| 24 |
| O se ka wa khubamela medimo ya bone, le fa e le go e direla, le fa e le go dira jaaka ditiro tsa bone; fela o e piriganyetse ruri, o bo o thubaganye difikantswe tsa bone tse di motloutlo. |
| 25 |
| Lo direle Jehofa Modimo wa lona, mme o tlaa segofatsa dijo tsa gago, le metsi a gago; mme ke tlaa tlosa bolwetse mo gare ga gago. |
| 26 |
| Ga go ketla go nna le sepe se se folotsang le fa e le se se moopa mo lefatsheng la gago; ke tlaa go tlaletsa palo ya malatsi. |
| 27 |
| “Ke tlaa isa theregiso ya me fa pele ga gago, mme batho botlhe ba lo fitlhang mo go bone ke tlaa ba kgoba marapo; ke tlaa dira gore baba botlhe ba gago ba go neye dikotla fela. |
| 28 |
| Ke tlaa eteletsa moruthwane fa pele ga gago, o o tlaa lelekang Mohife, le Mokanana, le Mohite fa pele ga gago. |
| 29 |
| Ga nketla ke ba leleka fa pele ga gago ka ngwaga o le mongwe fela; e se re gongwe lefatshe la fetoga sekaka le dibatana tsa naga tsa go ntsifalela. |
| 30 |
| Ke tlaa ba leleka fa pele ga gago ka monokela, go tsamaya o kokotlegela, mme o ja lefatshe boswa. |
| 31 |
| Ke tlaa sega melelwane ya gago, go simolola ka Lewatle le Lehibidu go ya kwa Lewatleng la Bafilisitia, le go simolola kwa gare ga naga go ya kwa Nokeng; gonne banni ba lefatshe ke tlaa ba tsenya mo diatleng tsa lona; gore o ba leleke fa pele ga gago. |
| 32 |
| O se ka wa dira kgolagano epe nabo, le medimo ya bone. |
| 33 |
| A ba se age mo lefatsheng la gago, ba ka tla ba go nteofisetsa; gonne fa o direla medimo ya bone, ruri e tlaa nna seru mo go wena.” |
|
| Boloka Dikwalo |
https://beblia.bible:81/BibleAudio/tswana/exodus/023.mp3
40
23