×

BAEBELE e e Boitshepo 1992

EKESODU 40

1
Jehofa a bua le Moše a re:
2
“E tlaa re ka letsatsi la ntlha la kgwedi o tlhome motlaagana wa mogope wa bophuthegelo.
3
O tsenye letlole la tshupo mo go one, o bipe letlole ka sesiro.
4
O ise tafole mo teng, o rulaganye dilo tse di nnang mo go yone; o ise setlhomo sa dipone mo teng, o tshube dilampa tsa sone.
5
O beye sebeso sa gouta ya go fisetsa maswalo fa pele ga letlole la tshupo, mme o beele mojako wa motlaagana sebipo.
6
O beye sebeso sa tshupelo e e fisiwang fa pele ga mojako wa motlaagana wa mogope wa bophuthegelo.
7
O beye mogopo o o tlhapelang fa gare ga mogope wa bophuthegelo le sebeso, o bo o thele metsi mo go one.
8
O tlhome lolwapa mo tikologong, o pege sebipo sa kgoro ya lolwapa.
9
“O tseye lookwane lo lo tlolwang, mme o tlotse motlaagana le tsotlhe tse di mo go one, o o itshepise, le dilwana tsotlhe tsa one; mme o tlaa nna boitshepo.
10
O tlotse sebeso sa tshupelo e e fisiwang, le dilwana tsotlhe tsa sone, mme o itshepise sebeso; sebeso se tlaa nna boitshepo jo bo itshepileng.
11
O tlotse mogopo o o tlhapelang le setlhomo sa one, o o itshepise.
12
“O tlaa lere Arone le bomorwawe fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, o ba tlhapisa ka metsi.
13
O apese Arone diaparo tse di itshepileng; o mo tlotse, o mo itshepise gore a ntirele mo tirong ya boperesiti.
14
O lere bomorwawe, o ba apese bohempe;
15
o ba tlotse jaaka o tloditse rraabo, gore ba ntirele mo tirong ya boperesiti; go tlodiwa ga bone e tlaa nna boperesiti jo bo sa khutleng mo go bone, go ya le dikokomana tsa bone tsotlhe fela.”
16
Moše a dira jalo, jaaka tsotlhe tse Jehofa a di mo laoletseng, a dira jalo fela.
17
Ya re ka kgwedi ya ntlha ka ngwaga wa bobedi, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, motlaagana wa tlhongwa.
18
Moše a tlhoma motlaagana, a ba a tlhoma ditlhako tsa one, a emisa dimati tsa one, a tsenya merapalego ya one, a tlhoma maotwana a one.
19
A tsharolola mogope mo godimo ga motlaagana, a baya sekhurumetso sa mogope mo go one kwa godimo, jaaka Jehofa a laotse Moše.
20
A tloga a tsenya tshupo mo letloleng, a tsenya disikaro mo letloleng, a ba a baya senno sa boutlwelobotlhoko mo letloleng fa godimo.
21
A isa letlole mo motlaaganeng, a pega sesiro sa sebipo, a bipa letlole la tshupo, jaaka Jehofa a laotse Moše.
22
A tsenya lomati lwa bojelo mo mogopeng wa bophuthegelo, fa lotlhakoreng lwa motlaagana ka fa ntlheng ya botsheka, ka fa ntle ga sesiro.
23
A rulaganya senkgwe mo go lone fa pele ga Jehofa; jaaka Jehofa a laotse Moše.
24
A tsenya setlhomo sa dipone mo mogopeng wa bophuthegelo, bolebana le lomati lwa bojelo, fa lotlhakoreng lwa motlaagana ntlheng ya borwa.
25
A tshuba dilampa fa pele ga Jehofa; jaaka Jehofa a laotse Moše.
26
A tsenya sebeso sa gouta mo mogopeng wa bophuthegelo fa pele ga sesiro.
27
A fisetsa mo go sone maswalo a maroku a a nkgang monate; jaaka Jehofa a laotse Moše.
28
A baya sebipo sa mojako wa motlaagana.
29
A baya sebeso sa tshupelo e e fisiwang fa mojakong wa motlaagana wa mogope wa bophuthegelo, a isa mo go sone tshupelo e e fisiwang le tshupelo ya boupe; jaaka Jehofa a laotse Moše.
30
A baya mogope o o tlhapelang fa gare ga mogope wa bophuthegelo le sebeso, a thela metsi mo go one, a go tlhapiwang ka one.
31
Moše le Arone le bomorwawe ba tlhapa diatla ba itlhapisa dinao mo go one.
32
e ne e tle e re fa ba tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, le fa ba atamela kwa sebesong, ba tlhape; jaaka Jehofa a laotse Moše.
33
A tlhoma lolwapa mo tikologong ya motlaagana le sebeso, a pega sebipo sa kgoro ya lolwapa. Moše a swetsa tiro jalo.
34
Foo leru la khurumetsa mogope wa bophuthegelo, le kgalalelo ya Modimo ya tlala mo motlaaganeng.
35
Moše a retelelwa ke go tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, ka ntlha ya leru le le ntseng godimo ga one, mme kgalalelo ya ga Jehofa ya tlala mo motlaaganeng.
36
E ne e tle e re leru le tlosiwa mo godimo ga motlaagana bana ba Iseraele ba tswelele kwa pele mo ditsamaong tsotlhe tsa bone;
37
fa leru le sa tlosiwe, foo ba se ke ba tloge, go tsamaye leru le tlosiwe.
38
Gonne leru la ga Jehofa la nna mo motlaaganeng fa go le motshegare, e re bosigo go nne molelo gone, mo ponong ya ba ntlo ya Iseraele botlhe fela, mo ditsamaong tsotlhe tsa bone.
Tswana Bible 1992
Bible Society of South Africa 1992
:
Save Notes