Noka e tlaa nyeula digwagwa, tse di tlaa tlhatlogang di tsena mo ntlong ya gago, le mo borobalong jwa gago, le mo bolaong jwa gago, le mo ntlong ya batlhanka ba gago, le mo bathong ba gago, le mo dipesetsong tsa gago, le mo megopong ya gago ya bodubelo:
Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlola thobane ya gago ka letsogo la gago godimo ga dinoka, godimo ga dinokana, le godimo ga makgelebe, o tlhatlosetse digwagwa mo lefatsheng la Egepeto.’ ”
Foo Faro a bitsa Moše le Arone a re: “A lo ko lo rapeleng Jehofa gore a tlose digwagwa mo go nna le mo bathong ba me, mme ke tlaa lesa batho ba tsamaya gore ba isetse Jehofa tlhabelo.”
Moše a raya Faro a re: “E bo ka e le wena yo o ka ntaolang: ke tlaa go rapelelela lobaka lofe, le batlhanka ba gago, le batho ba gago, gore digwagwa di senngwe di tswe mo go wena, le mo matlong a gago, mme di sale mo nokeng e le yosi fela?”
Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Otlolola thobane ya gago, o iteye lorole lwa lefatshe gore lo nne dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’ ”
Ba dira jalo; Arone a otlolola letsogo la gagwe le tshotse thobane ya gagwe, a itaya lorole lwa lefatshe, mme ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng; lorole lotlhe lwa lefatshe lwa nna dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
Jehofa a raya Moše a re: “Phakela ka moso o eme fa pele ga Faro; bona, o tlaa tswa a ya kwa metsing; o mo reye o re: Jehofa o bua jaana a re: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye, gore ba ntirele.
E tlaa re fa o sa lese batho ba me ba tsamaya, bona, ke tlaa tlisa metshitshi ya dintshi mo go wena le mo batlhankeng ba gago, le mo bathong ba gago, le mo matlong a gago; mantlo a Baegepeto a tlaa tlatla metshitshi ya dintshi le one mmu o a emeng mo go one.
Ke tlaa re mo tsatsing leo ke lomolole lefatshe la Gošene le batho ba me ba agileng mo go lone, gore go se ka ga nna metshitshi epe ya dintshi gone; gore o tle o itse fa ke le Jehofa mo gare ga lefatshe.
Jehofa a dira jalo; ga tla metshitshi e e boitshegang ya dintshi, ya tla mo ntlong ya ga Faro, le mo matlong a batlhanka ba gagwe, mo lefatsheng lotlhe la Egepeto lefatshe la bodisiwa ke metshitshi ya dintshi.
Moše a re: “Ga go a tshwanela go dira jalo; gonne re tlaa bo re isetsa Jehofa Modimo wa rona moila wa Baegepeto tlhabelo; a re ka isa moila wa Baegepeto tlhabelo fa pele ga matlho a bone, a ga ba ketla ba re kgobotletsa ka maje?
Faro a re: “Ke tlaa lo lesa lo tsamaya gore lo isetse Jehofa Modimo wa lona tlhabelo kwa nageng; le fa go ntse jalo, lo se ka lwa ya kgakala; lo nthapelele.”
Moše a re: “Bona, ke tswa mo go wena, mme ke tlaa rapela Jehofa gore metshitshi ya dintshi e tloge e tswe mo go Faro le mo batlhankeng ba gagwe, le mo bathong ba gagwe ka moso; a Faro a se tlhole a dira ka boferefere ka go gana go lesa batho ba ya go isetsa Jehofa tlhabelo.”
Jehofa a dira ka fa lefokong la ga Moše; a tlosa metshitshi ya dintshi mo go Faro le mo batlhankeng ba gagwe, le mo bathong ba gagwe; ga se ka ga sala epe.