Foo Jehofa a raya Moše a re: “Tsena kwa go Faro, o mmolelele o re: ‘Go bua jaana Jehofa Modimo wa Bahebere, a re: “Lesa batho ba gagwe ba tsamaye gore ba o direle.
bona, seatla sa ga Jehofa se mo kgomong ya gago e e mo nageng, le mo dipitseng, le mo dieseleng, le mo dikameleng, le mo matlhapeng, le mo matsomaneng; go tlaa nna kgogodi e e boitshegang mo go tsone.
Faro a roma batho, mme bonang, ga bo go se epe ya dikgomo tsa Baiseraele e e suleng. Pelo ya ga Faro ya nna logwadi fela, a se ka a lesa batho ba tsamaya.
O tlaa nna lorole lo lo loupa mo lefatsheng lotlhe la Egepeto; lo tlaa nna diso tse di itshemang marophi mo mothong le mo kgomong, go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto.”
Ba tsaya molora wa leiso la leubelo, ba ema fa pele ga Faro; Moše a o kubuelela kwa godimo: wa nna diso tse di itshemang marophi mo mothong le mo kgomong.
Jehofa a raya Moše a re: “Phakela ka moso, o eme fa pele ga Faro, o mo reye o re: ‘Jehofa o bua jaana, e bong Modimo wa Bahebere, a re: Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ntirele.
Gonne ke tlaa re mo lobakeng lono ke lere dipetso tsa me tsotlhe fela mo pelong ya gago, le mo batlhankeng ba gago, le mo bathong ba gago; gore o tle o itse fa go se na ope yo o tshwanang le nna mo lefatsheng lotlhe.
Bona, e tlaa re ka moso go riana ke nese sefako se se boitshegang, se se iseng se ke se nne se le kalo mo Egepeto, e sa le ka lobaka lo o theilweng ka lone go tla mo nakong eno.
Ke gone, jaana, roma batho o akofise dikgomo tsa gago di goroge, le tsotlhe tse o nang natso kwa nageng; gonne motho mongwe le mongwe yo o tlaa fitlhelwang mo nageng le fa e le kgomo, fa di sa tlisiwe mo gae, sefako se tlaa di wela mme di tlaa swa.’ ”
Jehofa a raya Moše a re: “Otlololela letsogo la gago kwa legodimong gore go ne sefako go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto, mo mothong, mo kgomong, le mo merogong yotlhe ya naga, go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto.”
Moše a otlololela thobane ya gagwe kwa legodimong; Jehofa a tlisa tumo ya maru le sefako, molelo le one wa thelegela fa fatshe; mme Jehofa a nesa sefako mo lefatsheng la Egepeto.
Jalo ga nna sefako, le molelo o tlhakanye le sefako, le molelo o tlhakanye le sefako, mo go boitshegang thata, mo go iseng go ko go nne jalo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, e sa le ka lobaka lo ba simologileng go nna morafe ka lone.
Sefako sa itaaka tsotlhe tse di mo nageng go ya le lefatshe lotlhe la Egepeto, motho le kgomo; sefako sa ba sa itaaka merogo yotlhe ya naga, sa robaka ditlhare tsotlhe tsa naga.
Moše a mo raya a re: “E tlaa re ke sena go tswa mo motseng, ke tlaa otlololela mabogo a me kwa go Jehofa; ditumo tsa maru di tlaa khutla, le gone ga go ketla go tlhola go nna sefako; gore o tle o itse fa lefatshe e le la ga Jehofa.
Moše a tswa mo motseng kwa go Faro, mme a otlololela mabogo a gagwe kwa go Jehofa; mme ditumo tsa maru tsa khutla le sefako, pula le yone ya se ka ya tlhola e thelegela mo lefatsheng.