BAEBELE e e Boitshepo 1992
|
| 1 |
| Lefoko le Isaia morwa Amose o ne a le bona ka ga Juta le Jerusalema. |
| 2 |
| Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tlaa golediwa godimo ga makhujana, mme merafe yotlhe e tlaa fologela kwa go yone. |
| 3 |
| Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe:” Gonne mo Sione go tlaa tswa molao, le lefoko la ga Jehofa le tlaa tswa Jerusalema. |
| 4 |
| O tlaa atlhola fa gare ga merafe, a kgalemele ditšhaba di le dintsi, mme di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope. |
| 5 |
| Hee, ntlo ya ga Jakobe, ntlong, mme a re sepeleng mo leseding la ga Jehofa. |
| 6 |
| Gonne o latlhile batho ba gago, e bong ntlo ya ga Jakobe, ka gobo ba tletse mekgwa e e tswang botlhabatsatsi, e bile ke baswabi ba ditiro jaaka Bafilisitia, mme ba tlhabetsanya ka diatla le bana ba baeng. |
| 7 |
| Lefatshe la bone le lone le tletse selefera le gouta; le dikhumo tsa bone ga di na bokhutlo; le gone lefatshe la bone le tletse dipitse, le gone dikara tsa bone ga di na bokhutlo. |
| 8 |
| Le gone lefatshe la bone le tletse medimo ya disetwa; ba obamela mo go dirilweng ke diatla tsa bone, se menwana ya bone e se dirileng. |
| 9 |
| Motho yo mmotlana o a ikoba, le monna yo motona o a ikgobalatsa; mme ka ntlha ya gone mo, o se ka wa ba itshwarela. |
| 10 |
| Tsena mo lefikeng, o bo o iphitlhe mo loroleng, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe. |
| 11 |
| Matlho a motho o a kadileng a tlaa bokaladiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa obiwa, mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. |
| 12 |
| Gonne go tlaa nna letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo mo go sengwe le sengwe se se boikgodiso le bopelompe, le mo go sengwe le sengwe se se tsholetsegileng, mme di tlaa bokaladiwa; |
| 13 |
| le mo masetareng otlhe a Lebanone, a a godileng a tsholetsegile, le mo maokeng otlhe a Bašane; |
| 14 |
| le mo dithabeng tsotlhe tse di godileng, le mo makhujaneng otlhe a a tsholetsegileng; |
| 15 |
| le mo kagong ya phemelo nngwe le nngwe e e godileng, le mo lorakong longwe le longwe lo lo agetsweng phemelo; |
| 16 |
| le mo dikepeng tsotlhe tsa Tarešiše, le mo ditshwantshong tsotlhe tsa tse di eletsegang. |
| 17 |
| Bogodi jwa motho bo tlaa obiwa, le bopelompe jwa batho bo tlaa ngotlwa; mme mo letsatsing leo go tlaa godisiwa Jehofa a le esi fela. |
| 18 |
| Medimo ya disetwa e tlaa fetela ruri e ya koo. |
| 19 |
| Batho ba tlaa tsena mo dikgageng tsa mafika le mo mesimeng ya lefatshe, ba tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlise lefatshe ka thata e kgolo. |
| 20 |
| E tlaa re mo letsatsing leo motho o tlaa latlhela kwa dirathing, le kwa go bomamathwane, medimo ya disetwa ya gagwe ya selefera, le medimo ya disetwa ya gagwe ya gouta, e batho ba e mo diretseng gore a e obamele. |
| 21 |
| Mme a tsena mo meoleng e metona ya mafika, le mo dipharong tsa mafika a a makgawekgawe, go tshaba poitshego ya ga Jehofa, le kgalalelo ya borena jwa gagwe, motlhang o nanogelang go reketlisa lefatshe ka thata e kgolo. |
| 22 |
| Khutlelang motho, yo mowa wa gagwe o leng mo marofeng a dinko tsa gagwe; gonne ene, o na le go kaiwa e le eng? |
|
| Boloka Dikwalo |
https://beblia.bible:81/BibleAudio/tswana/isaiah/002.mp3
66
2