BAEBELE e e Boitshepo 1992
|
| 1 |
| Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna la re: |
| 2 |
| “Ya o kue mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: Go bua jaana Jehofa, a re: “Ke gakologetswe ka ga gago, bopelonomi jwa boroba jwa gago, lorato lwa peelelo ya gago; jaaka o ne wa ntshala morago mo nageng mo lefatsheng le le neng le sa lengwa. |
| 3 |
| Iseraele o ne a le boitshepelo Jehofa, mabutswapele a totafalelo ya gagwe; botlhe ba ba mo jang ba mo fetsa, ba tlaa kaiwa molato; bosula bo tlaa ba wela, go bua Jehofa.” |
| 4 |
| Utlwang lefoko la ga Jehofa lona ba ntlo ya ga Jakobe, le ba makgotla otlhe a Iseraele: |
| 5 |
| Go bua jaana Jehofa, a re: “Borraeno ba bonye tshiamololo efe mo go nna, fa e bo ne ne ba ile kgakala le nna, mme ba latetse boithamako, ba thamakafetse jaana? |
| 6 |
| Le gone ga baa ka ba re: ‘O kae Jehofa yo o re ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto; yo o re gogileng a re ralatsa naga, a re goga mo lefatsheng la dikaka le la melete, mo lefatsheng la lokgere le moriti wa loso, mo lefatsheng le ope o sa le ralaleng, le kwa go sa agang ope teng?’ |
| 7 |
| Ka lo lere mo lefatsheng la letlotlo, lwa tla go ja loungo lwa lone, le molemo wa lone; mme e rile lo tsena, lwa leswefatsa lefatshe la me, lwa kgaphafatsa boswa jwa me. |
| 8 |
| Baperesiti ga ba a ka ba re: ‘Jehofa o kae?’ le ba ba tshwarang molao ba ne ba sa nkitse; le badisa ba ne ba ntlolela, le baperofeti ba perofesa ka Baale, ba sala dilo tse di se nang thuso morago.” |
| 9 |
| “Ke gone ke tlaa fela ke sa ntse ke ganetsanya le lona,” go bua Jehofa, “le bana ba bana ba lona ke tlaa ganetsanya nabo. |
| 10 |
| Gonne kgabaganyetsang kwa ditlhakeng tsa Kupero, mme lo bone; lo romele kwa Ketare, lo akanye thata; lo bone, bo go kile ga ne go le tiro nngwe e e ntseng jalo. |
| 11 |
| A morafe mongwe o kile wa ananya medimo ya one, le mororo e se medimo ya sepe? Mme batho ba me ba anantse se se senang thuso ka kgalalelo ya bone. |
| 12 |
| Lona magodimo lo gakgamalele selo se, mme lo boife mo go remang marapo, lo swafale thata,” go bua Jehofa. |
| 13 |
| “Gonne batho ba me ba dirile masula a le mabedi; ba latlhile nna yo ke leng motswedi wa metsi a a tshedileng, mme ba ikgabetse madu, madu a a phunyegileng, a a sa kakeng a tshegetsa metsi ape.” |
| 14 |
| “Iseraele a o motlhanka? A o motlhanka yo o tsaletsweng mo gae? Ana go ntse jang ka a bile a ntse thopo fela? |
| 15 |
| Ditau di ntse di mo dumela, di ntshitse dikodu tsa tsone: mme di kgakgabaditse lefatshe la gagwe; metse ya gagwe e fisitswe ka molelo, ga e na banni. |
| 16 |
| Le bana ba Nofe le Tapanehese ba kutile phogo ya tlhogo ya gago. |
| 17 |
| Golo mo a ga o a go iteretse, ka o latlhile Jehofa Modimo wa gago jale ka a go goga mo tseleng? |
| 18 |
| Mme jaanong o na le eng se o se dirang mo tseleng e e yang Egepeto, go nwa metsi a Shihore? Kgotsa o na le eng se o se dirang mo tseleng e e yang Asiria, go nwa metsi a Noka? |
| 19 |
| Boikepo jwa gago tota bo tlaa go otlhaya, le ditenego tsa gago di tlaa go kgalemela; ke gone itse o bo o bone fa e le selo se se bosula, le se se galakang, jaaka e le fa o latlhile Jehofa Modimo wa gago, e bile go mpoifa go seyo mo go wena, go bua Jehofa Modimo wa masomosomo.” |
| 20 |
| “Gonne ke sa le ke roba jokwe ya gago bogologolo, ka komoganya dikgolego tsa gago; mme o rile: ‘Ga nketla ke mo direla’; gonne mo thoteng nngwe le nngwe e e godileng, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, o ne wa ikoba, wa akafala. |
| 21 |
| Le fa go ntse jalo ka bo ke ne ke go tlhomile o le mofine o montlentle, o le peo e e siameng ruri; ana o senyegile jang wa nna setlhatshana fela sa mofine o sele mo go nna? |
| 22 |
| Gonne le fa o itlhapisa ka logolo, mme go itseela molora o le motona, le fa go ntse jalo boikepo jwa gago bo ntse setshubaba fela fa pele ga me”, go bua Jehofa Modimo. |
| 23 |
| “O ka bua jang, wa re: ‘Ga ke a leswefala, ga ke a latela boBaale?’ Bona mokgwa wa gago mo molapong, itse se o se dirileng; o kamelana e e lobelo e e itsayatsayang motlhala. |
| 24 |
| O esela ya nageng e e tlwaetseng bogareganaga, e e dupelelang mowa mo keletsong ya yone; mo palogong ya yone e mang yo o ka e sokololang? Tsotlhe tse di e tlhokang ga di ketla di ipolaisa letsapa; e tlaa re mo kgweding ya yone ba tlaa e bona fela. |
| 25 |
| “O ithibe, gore o se ka wa nna lonao lo lo sa rwalang, le gore o se nne mometso o o lenyora; mme o rile: ‘Ga go na tsholofelo; nnyaa, ka gonne ke ratile baeng, mme ke bone ba ke tlaa ba latelang.’ |
| 26 |
| “Jaaka legodu le tle le tlhajwe ke ditlhong fa le tshwerwe, ba ntlo ya Iseraele ba tlhajwa ke ditlhong jalo; bone le dikgosi tsa bone, le dikgosana tsa bone, le baperesiti ba bone, le baperofeti ba bone; |
| 27 |
| ba ba rayang logong ba re: ‘O rre’; le lentswe ba re: ‘O ntsetse,’ gonne ba nneile dikotla e seng difatlhogo; mme mo motlheng wa tlalelo ya bone ba tlaa re: ‘Nanoga, o re boloke.’ |
| 28 |
| “E kae medimo ya gago e o e itiretseng? A go nanoge yone, fa e na le go go boloka mo motlheng wa tlalelo ya gago; gonne medimo ya gago e kana ka palo ya metse ya gago, wena Juta. |
| 29 |
| Ana lo ganeletsanyang le nna?” Lo ntloletse lotlhe. Go bua Jehofa. |
| 30 |
| “Bana ba lona ke ba diteetse lefela; ga baa ka ba amogela thuto epe; tšhaka ya lona tota e biladitse baperofeti ba lona, jaaka tau e e senyang. |
| 31 |
| Ao losika ke lona, lo bo lo bone lefoko la ga Jehofa. A ke ntse ke ntse jaaka naga fela mo go Iseraele? Kgotsa lefatshe la lefifi le lentsho? Ana batho ba me ba buelang ba re: ‘Re thobile; ga re ketla re tlhola re ya koo go wena’? |
| 32 |
| A morweetsana o ka lebala mekgabo ya gagwe? Kgotsa monyadwi diaparo tsa gagwe? Le fa go ntse jalo batho ba me ba ntebetse ka malatsi a a se nang palo. |
| 33 |
| Ana o baakanya jang tsela ya gago o ya go batla lorato! Ke gone ka moo le ba e leng basadi ba ba bosula o ba rutile mekgwa ya gago. |
| 34 |
| Le mo dikojeng tsa diaparo tsa gago go fitlhelwa madi a bahumanegi ba ba se nang molato; ga o a ba tshwara mo felong fa go phuntsweng ntlo teng, fa e se mo mafelong a otlhe fela. |
| 35 |
| Le fa go ntse jalo, o rile: ‘Ga ke na molato; ruri bogale jwa gagwe boa bo bo boile mo go nna.’ Bona, ke tlaa seka nao, ka o re: ‘Ga ke a leofa.’ |
| 36 |
| Ana o kgabatlolegelang mo go kanakana, o re o fetola mokgwa wa gago? O tlaa tlhajwa ke ditlhong le ka Egepeto, jaaka o ne wa tlhajwa ke ditlhong ka Asiria. |
| 37 |
| Le kwa go ene o tlaa tswa o ithwele megono fela, gonne Jehofa o ganne ba o ba ikantseng, mme ga o ketla o tlhogonolofala mo go bone. |
|
| Boloka Dikwalo |
https://beblia.bible:81/BibleAudio/tswana/jeremiah/002.mp3
52
2