BAEBELE e e Boitshepo 1992
|
| 1 |
| Jehofa a bua le Moše a re: |
| 2 |
| “Bua le bana ba Iseraele o re: E tlaa re fa motho a ka leofa a sa itse, mo go sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a dira sengwe sa tsone: |
| 3 |
| “E tlaa re fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a ba a leretse batho molato; foo, a a isetse boleo jwa gagwe jo o bo leofileng kgongwana e tona e e se nang bogole, a e isetse Jehofa, e le tshupelelo ya boleo. |
| 4 |
| A a ise kgongwana fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo fa pele ga Jehofa, a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya kgongwana, a tlhabe kgongwana fa pele ga Jehofa. |
| 5 |
| Moperesiti yo o tloditsweng a tseye ga madi a kgongwana, a a ise mo mogopeng wa bophuthegelo. |
| 6 |
| Moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro sa felo ga boitshepo. |
| 7 |
| A moperesiti a beye madinyana mo dinakeng tsa sebeso sa maswalo a a nkgang monate, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, fa pele ga Jehofa; mme madi otlhe a kgongwana a tshololelwe fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo. |
| 8 |
| Mafura otlhe a kgongwana ya tshupelelo ya boleo a a tlose mo go yone; lomipi le mafura otlhe a boteng; |
| 9 |
| le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose, |
| 10 |
| jaaka go tlosiwa mo kgomong ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a di fisetse mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang. |
| 11 |
| Letlalo la kgongwana le nama yotlhe ya yone, le tlhogo ya yone, le ditlhako tsa yone, le diteng tsa yone, le moswang wa yone, |
| 12 |
| e bong kgongwana e le mmogo, a a e ise kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa gontle, kwa molora o tle o thelwe gone, a e fise ka molelo e le mo godimo ga dikgong; kwa molora o thelwang gone, e fisediwe teng. |
| 13 |
| “Fa phuthego yotlhe ya Iseraele e timela, mme selo se, se fitlhegetse matlho a phuthego, mme ba dirile sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme ba le molato; |
| 14 |
| e tlaa re mogang boleo jo ba bo leofileng bo itsiwe, foo phuthego yotlhe e ise kgongwana e tona tshupelelo ya boleo, ba e ise fa pele ga mogope wa bophuthegelo. |
| 15 |
| A bagolwane ba phuthego ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana, fa pele ga Jehofa, mme a kgongwana e tlhajwe fa pele ga Jehofa. |
| 16 |
| Moperesiti yo o tloditsweng a ise ga madi a kgongwana mo mogopeng wa bophuthegelo; |
| 17 |
| moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, mme a a kgatshe gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro. |
| 18 |
| A a tshase madi mo dinakeng tsa sebeso se se fa pele ga Jehofa, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, mme madi a otlhe, a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo. |
| 19 |
| Mafura otlhe a yone a a a tlose mo go yone, a a fisetse mo sebesong. |
| 20 |
| A a dire jalo ka kgongwana, jaaka a dirile ka kgongwana ya tshupelo ya boleo, a a dire jalo ka yone e; moperesiti o tlaa bo a ba direla tetlanyo, mme ba tlaa itshwarelwa. |
| 21 |
| Kgongwana a a e ise kwa ntle ga bothibelelo a e fise jaaka a fisitse kgongwana ya ntlha; ke tshupelo ya boleo ya phuthego. |
| 22 |
| “Fa molaodi a leofa a sa itse, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo o laotseng gore di se ka tsa dirwa, a a nne molato; |
| 23 |
| e re fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o leofileng ka jone, a a ise podi seromololo, e le e tona e e se nang bogole. |
| 24 |
| A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya podi, a e tlhabe mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang teng fa pele ga Jehofa; ke tshupelo ya boleo. |
| 25 |
| Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang. |
| 26 |
| Mafura otlhe a yone a a fisetse mo sebesong, jaaka mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe, mme o tla itshwarelwa. |
| 27 |
| “E tlaa re fa mongwe wa ba ba leng batho fela a leofa a sa itse, ka go dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a le molato; |
| 28 |
| fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, foo a a ise podi seromololo, e le e namagadi e e se nang bogole, a e isetse boleo jo o bo leofileng. |
| 29 |
| A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo, a tlhabele tshupelelo ya boleo mo felong ga tshupelo e e fisiwang. |
| 30 |
| Moperesiti a tseye madinyana ka monwana wa gagwe, a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso. |
| 31 |
| Mafura otlhe a yone a a tlose jaaka go tlosiwa mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, e le monko o o monate mo go Jehofa; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo, mme o tlaa itshwarelwa. |
| 32 |
| “Fa a isa kwanyana e le seromololo sa gagwe sa tshupelo ya boleo, a e ise e le e namagadi e e se nang bogole. |
| 33 |
| A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelelo ya boleo, a e tlhabe e le tshupelelo ya boleo mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang gone. |
| 34 |
| Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso. |
| 35 |
| Mafura otlhe a yone a a tlose, jaaka go tlosiwa mafura a kwanyana mo tlhabelong ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, mo godimo ga ditshupelo tsa ga Jehofa, tse di dirwang ka molelo; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, mme o tlaa itshwarelwa. |
|
| Boloka Dikwalo |
https://beblia.bible:81/BibleAudio/tswana/leviticus/004.mp3
27
4