BAEBELE e e Boitshepo 1992
|
| 1 |
| Jehofa a bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Moabe, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka a fisitse marapo a kgosi ya Etome a nna taka e tshweu. |
| 2 |
| Ke tlaa tsenya molelo mo Moabe, mme o tlaa laila mantlo a dikgosi a Keriothe; Moabe o tlaa swa ka pheretlho, le ka lošalaba, le ka tumo ya lonaka. |
| 3 |
| Ke tlaa kgaola moatlhodi mo gare ga gone, ke tlaa bolaya dikgosana tsotlhe tsa teng nae.” Go bua Jehofa. |
| 4 |
| Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Juta, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba ganne molao wa ga Jehofa, ba se ka ba tshegetsa ditao tsa gagwe, maaka a bone a ba timeditse, a borraabo ba ne ba a sala morago. |
| 5 |
| Mme ke tlaa tsenya molelo mo Juta, mme o tlaa laila matlo a dikgosi a Jerusalema.” |
| 6 |
| Jehofa, o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Iseraele, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng, ka ba rekisitse basiami ka selefera, le batlhoki ka ditlhako tse pedi. |
| 7 |
| E le ba ba fegelelwang lorole lwa lefatshe lo lo mo tlhogong ya bahumanegi, ba faposa tsela ya bakgobaladi. Motho le rraagwe ba ye morweetsaneng a le mongwe fela, ba tlhapatsa leina la me le le boitshepo. |
| 8 |
| Ba itelege fa sebesong sengwe le sengwe ba adile diaparo tse di tshotsweng peelo, mo ntlong ya Modimo wa bone ba nwe bojalwa jwa mofine jwa ba ba lefisitsweng. |
| 9 |
| “Le fa go ntse jalo ka senya Moamora fa pele ga bone, yo bogodimo jwa gagwe bo ne bo ntse jaaka bogodimo jwa masetara, o ne a le thata jaaka maoka; mme ka senya loungo lwa gagwe kwa godimo, le medi ya gagwe kwa tlase. |
| 10 |
| Gape ka lo ntsha mo lefatsheng la Egepeto, ka lo goga ka dinyaga di le 40 mo nageng, lo ya go rua lefatshe la Moamora. |
| 11 |
| Ka tsosa bangwe ba bomorwaa lona ba nna baperofeti, le Banasirite bangwe mo makaung a lona. A ga go a nna fela jalo, lona bana ba Iseraele?” Go bua Jehofa. |
| 12 |
| “Lwa nosa Banasirite bojalwa jwa mofine; lwa laola baperofeti, lwa re: ‘Se perofeseng.’ |
| 13 |
| Bonang, ke tlaa lo gata mo felong ga lona, jaaka kara e e oletseng dingata tsa mabele e tle e gate. |
| 14 |
| Go tshaba go tlaa tlhokafalela ba ba lobelo, mothata ga a ketla a itlotloanyetsa nonofo ya gagwe, le seganka ga se ketla se iphedisa; |
| 15 |
| le ene yo o itseng go tshwara bora ga a ketla a ema; le yo o dinao tse di bofefo ga a ketla a iphedisa; le ene yo o palameng pitse ga a ketla a iphalodisa; |
| 16 |
| le yo o pelokgale mo digankeng o tlaa tshaba a sa ikatega mo motlheng oo.” Go bua Jehofa. |
|
| Boloka Dikwalo |
https://beblia.bible:81/BibleAudio/tswana/amos/002.mp3
9
2