Ke tlaa ema mo tebelong ya me, ke ipaya mo kagong e e godileng, mme ke tlaa lebela koo ntle, gore ke bone se o tlaa se buang le nna, le se ke tlaa se mo fetolang ka ga ngongorego ya me.
Gonne ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.
Ee, gape bojalwa jwa mofine ke bonongwane, ke monna yo o ikgodisang, yo o sa nneng mo gae; yo o atlhamolosang keletso ya gagwe jaaka Bobipo, o ntse jaaka loso, ga a kake a kgorisiwa, mme o iphuthela merafe yotlhe, o ikokoanyetsa ditšhaba tsotlhe fela.
A botlhe ba ga ba ketla ba mo tlhabeleletsa setshwantsho le seane sa mokgobo, ba re: “A bo go latlhega ene yo o totisang se se seng sa gagwe! Ka lobaka lo lo kaye? Le yo o ikimetsang ka dipeelo!”
Ka o thopile merafe e le mentsi, masalela otlhe a ditšhaba a tlaa go thopa; ka ntlha ya madi a batho, le ka ntlha ya thubako e e diretsweng lefatshe, e bong motse le botlhe ba ba agileng mo go one.
A bo go latlhega ene yo o bonelang ntlo ya gagwe papadi e e bosula, gore a tle a tlhome setlhaga sa gagwe kwa godimo, gore a tle a gololwe mo seatleng sa bosula!
O tletse ditlhong mo boemong jwa kgalalelo. Le wena nwa, o bo o nne jaaka mongwe yo o sa rupang; senwelo sa seatla sa ga Jehofa se segolo se tlaa menolelwa mo go wena, ditlhong tse di maswe di tlaa nna mo kgalalelong ya gago.
Gonne thubako e e diretsweng Lebanone e tlaa go khurumetsa, le go senngwa ga dibatana mo go di boifisitseng; ka ntlha ya madi a batho; le ka ntlha ya thubako e e diretsweng lefatshe, le motse le botlhe ba ba agileng mo go one.
Setshwantsho se se setilweng se thusang, fa e bo ne ne modiri wa sone a se setile; le setshwantsho se se thetsweng, le moruti wa maaka, fa e bo ne ne modiri wa tiro ya gagwe a ikanya mo go sone, a dira medimo ya disetwa e e sa bueng?
A bo go latlhega ene yo o rayang logong, a re: “Kubuga!” le lentswe le le semumu a, re: “Nanoga!” A leo le tlaa ruta? Bonang, le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone.