Jehofa, ke utlwile tumedi ya gago, mme ka boifa; Jehofa rudisa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, mo gare ga dinyaga o dire gore e itsiwe; o re o le bogale o gakologelwe boutlwelobotlhoko.
A ema, a lekanya lefatshe; a leba, mme a phatlalatsa merafe; le dithaba tsa bosakhutleng tsa faladiwa, le makhubu a a sa yeng kae a ikoba; ditsamao tsa gagwe di ne di ntse jaaka bogologolo.
A Jehofa o ne a itumologela dinoka? A o ne o le bogale le dinoka, kgotsa a o ne o gakaletse lewatle, fa e bo ne ne o ne o palame dipitse tsa gago, o palame dikara tsa gago tsa poloka?
Wa tswela poloko ya batho ba gago, poloko ya ba gago ba ba tloditsweng, wa ntsha tlhogo ya ntlo ya baikepi ntho, wa senola motheo go ya fela kwa thamong. Sela.
O ne wa phunya yo o leng tlhogo ya batlhabani ba gagwe ka marumo a gagwe fela; ba ne ba tsile jaaka setsuatsue go mphalatsa; go duduetsa ga bone go ne go ntse jaaka e kete ga go jela ruri bahumanegi ka bosaitsiweng.
Ka utlwa, mme mpa ya me ya roroma, dipounama tsa me tsa tlakaselela lentswe; go nyera ga ntsena mo marapong, ka roroma mo felong ga me; ka go lebelela motlha wa tlalelo, mogang o bololelang batho, e bong ene yo o mo tlhaselang a le ditlhophatlhopha.
Gonne le fa mofeige o se ketla o thunya, le fa go tlaa bo go se na loungo mo mafineng; tiro ya motlhware e ka tla ya tlhaela, le matlhagare a se ka a ntsha dijo; letsomane le ka tla la kgaolwa mo lesakaneng, mme go se ka ga dirana le matlhape mo marakeng.
Jehofa, Morena, ke thata ya me, o dira dinao tsa me di nna jaaka maoto a tshephe, o tlaa ntsamaisa mo mafelong a me a a godimo. Go diretswe moopedi yo mogolo mo diletsong tsa me tse di ditlhale.