“Laola bana ba Iseraele gore ba ntshetse Balefi mo bosweng jwa dithuo tsa bone metse e ba tlaa agang mo go yone, le dintlhana tsa metse eo lo di neye Balefi.
Boatlhamo jwa dintlhana tsa metse e lo e nayang Balefi a bo simologe ka lorako lwa motse, bo ye go ema ka selekanyo sa dimetara di le 450 ka ntlha tsotlhe.
E re kwa ntle ga motse, ntlheng ya botlhabatsatsi lo lekanye sebaka sa dimetara di le 900, ntlheng ya borwa, sebaka sa dimetara di le 900, ntlheng ya bophirimatsatsi, sebaka sa dimetara di le 900, ntlheng ya botsheka, sebaka sa dimetara di le 900, motse o le fa gare. Tseo e tlaa nna tsone dintlhana mo tikologong ya metse ya bone.
Metse e lo e nayang Balefi, a e nne yone metse e merataro ya botshabelo, e lo e beelang mmolai wa motho go tshabela kwa go yone; kwa ntle ga yone eo lo ba neye metse e le 42.
Ka ga metse e e leng ya bana ba Iseraele e lo tlaa e nayang Balefi, lo tle lo e tseye e le mentsi mo go ba ba leng bantsi; lo tseye e le mebotlana mo go ba ba leng babotlana; mongwe le mongwe a a neye Balefi metse ya gagwe ka fa bosweng jo o bo bonyeng.”
Metse e merataro eo e tlaa nna ya botshabelo jwa bana ba Iseraele, le jwa baeng ba ba jakileng mo go bone, gore mongwe le mongwe yo o bolayang motho ka matsheka fela, a tshabele teng.
Kgotsa fa a mo iteile ka sebolao sa logong a se tshotse mo seatleng, e le se motho o ka swang ka sone, mme a swa, ke mmolai wa motho; ruri mmolai wa motho o tlaa bolawa.
kgotsa a mo itaya ka letsogo ka kilo, a swa; ruri yo o mo iteileng o tlaa bolawa; ke mmolai wa motho; a mmusolosetsi wa madi a bolaye mmolai wa motho, mogang o kopanang nae.
kgotsa ka lentswe le motho o ka swang ka lone, a sa mmone, a le latlhela mo go ene, mme a swa, le fa a se mmaba wa gagwe, le gone a ne a sa rate go mo utlwisa botlhoko,
Phuthego e golole mmolai wa motho mo seatleng sa mmusolosetsi wa madi, mme phuthego e mmusetse kwa motseng wa gagwe wa botshabelo, kwa o ne a tshabetse teng; a nne gone go tsamaya moperesiti yo mogolo a a swa, ene yo o ne a tlodiwa lookwane lo lo itshepileng.
fa mmusolosetsi wa madi a mo fitlhela kwa ntle ga molelwane wa motse wa gagwe wa botshabelo, mme fa mmusolosetsi wa madi a bolaya mmolai wa motho; foo a se ka a nna molato wa madi,
gonne o ne a tshwanetse go nna fela mo motseng wa gagwe wa botshabelo, go tsamaya moperesiti yo mogolo a swa. Morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo, mmolai wa motho o ka boela kwa lefatsheng le e leng la gagwe.
Lo se ka lwa amogela thekololo ka ga gagwe yo o tshabetseng kwa motseng wa gagwe wa botshabelo, ya gore a tle go ba a nna mo lefatsheng, moperesiti yo mogolo a tle a swe pele.
Jalo lo bo lo se ketla lo itshepolola lefatshe le lo nnang mo go lone; gonne madi a leswafatsa lefatshe; ga go na tefo e e ka direlwang lefatshe ya madi a a tshololetsweng mo go lone, fa e se madi a gagwe yo o a tsholotseng.