Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re:
‘Wena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.’ ”
Mme a ba roma kwa Bethelehema a re: “Yang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go mo obamela.”
Bone ya re ba sena go utlwa kgosi ba tsamaya; mme bonang, naledi e ba e bonyeng ba le kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya tsamaya ya fitlha ya ema e okame golo fa ngwanyana o leng teng.
Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”
Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.
E rile a utlwa fa Arekelao a busa mo Jutea, mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re ka a tlhagisitswe ke Modimo ka toro, a ngongwaelela kwa dintlheng tsa Galilea.