Le mo Ferugia, le mo Pamfilia, le mo Egepeto, le kwa dintlheng tsa Libia mo tikologong ya Kurene, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le baditšhaba ba ba ineetseng mo Sejuteng,
Mme Petere a ema le ba ba 11, a tlhatlosa lentswe la gagwe a bua nabo a re: “Lona banna ba Jutea, le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema, a selo se se itsiwe ke lona, lo tlhwaele mafoko a me tsebe.
“ ‘Go tlaa dirala mo metlheng ya bofelo, go bua Modimo, wa re: Ke tlaa gorometsa Mowa wa me mo nameng yotlhe, bomorwaa lona le bomorwadia lona ba tlaa perofesa, le makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le bannabagolo ba lona ba tlaa lora ditoro;
“Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, e le monna yo Modimo o lo supeditseng go itumela ga one mo go ene, ka ditiro tsa nonofo le dikgakgamatso, le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona, jaaka le lona lo itse;
ene yoo, ka a ne a ntshitswe gale ka boikaelelo le kitsetsopele ya Modimo, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa batho ba ba ipheferileng mo molaong.
Gonne Dafite o bua ka ga gagwe a re: “ ‘Ke ntse ka bona Morena fa pele ga sefatlhogo sa me ka metlha yotlhe; gonne o ka fa tsogong la me le legolo, gore ke se ka ka tshikinyega:
“Bakaulengwe, nka bua le lona ke se na kotlomano ka ga Dafite, tlhogo ya lotso, gore o ne a swa a ba a fitlhwa, le sefikantswe sa gagwe re na naso le gompieno.
Ke gone e rileng ka e le moperofeti, a itse fa Modimo o kile wa mo ikanela gore o tlaa baya mongwe yo e leng wa loungo lwa mankopa a gagwe mo setulong sa gagwe sa bogosi;
E re ka a goleditswe ke Modimo go nna ka fa tsogong le legolo la one, mme a amogetse mo go Rara lefoko la tsholofetso ka ga Mowa o o Boitshepo, o goromeditse selo se, se lo se bonang lo se utlwang.
Petere a ba raya a re: “Ikwatlhaeng, mongwe le mongwe wa lona a kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mo ineng la ga Jesu Keresete; mme lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, le mo go ngathoganyeng senkgwe, mo magabone, ba ja dijo tsa bone ka boitumelo le ka pelo e e tlhophegileng.