Ke gone ka re, ga o na seipato motho ke wena, le fa o le mang yo o sekisang; gonne mo o sekisang yo mongwe ka gone, o a bo o itshekisa ka gone gonne wena yo o sekisang, o a bo o ntse o dira tsone dilo tseo fela.
Gonne botlhe ba ba leofileng ba se na molao, le gone ba tlaa swa ba se na molao; mme botlhe ba ba leofileng ba le fa tlase ga molao, ba tlaa atlholwa ka molao.
Gonne e re fa Baditšhaba ba ba se nang molao ba dira dilo tsa molao ka temalo ya tlholego, bone bao, e re ka ba se na molao, go bo go le molao bone ka bosi;
ka ba supa tiro ya molao o o kwadilweng mo dipelong tsa bone; segakolodi sa bone le sone se supa nao, le megopolo ya bone, mo teng ga bone e ba neye molato, kgotsa e ba golole;
Bokgola jo bo leng jwa tlholego, fa bo dirafatsa molao, a ga bo ketla bo go sekisa, wena yo o reng le fa o na le lokwalo o bile o rupile, o bo o ntse o le motlodi wa molao fela?
Mojuta tota ke yo e leng ene mo teng; le go rupa ke ga pelo, mo go emeng mo moweng, e seng mo ditlhakeng tsa lokwalo; yo ke ene paki ya gagwe e sa tsweng mo bathong, mme e tswa mo Modimong.