Ka bo ke tlhatloga ka tshenolo; ka baya fa pele ga bone Mafoko a a Molemo, a ke a rerang mo go Baditšhaba; mme ya bo e le kwa thoko fa pele ga ba ba itsegeng fela, gore e se re kgotsa ka fitlhela ka bo ke sianela lefela, kgotsa ke ne ke sianetse lefela.
Mme mo re ganne ka ntlha ya bakaulengwe ba e seng bone, ba ba lerilweng ka bonongwane, ba tla ka bonongwane go tlhola boitaolo jo re nang najo mo go Keresete Jesu, gore ba re tsenye mo kgolegong.
Mme bao, le fa e le ka lobaka lwa nako e le nngwe fela, ga re a ka ra ba ikisetsa tlase ka go ba ineela; gore boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo bo nnele ruri mo go lona.
Mme bone ba ba neng ba kaiwa ba le sengwe – le fa ba ka bo ba ne ba le eng, e be e se sepe mo go nna; Modimo ga o amogele bomangmang jwa motho – ka re, bone ba ba itsegeng ga ba a ka ba nthusa ka sepe;
E rile ba lemoga tshegofatso e ke e neilweng, Jakobe, le Kefase, le Johane, ba ba itsegeng fa e le maotwana, ba neela nna le Barenabase diatla tsa bolekane, gore re ye kwa go Baditšhaba, mme bone ba ye go ba bogwera.
Gonne e rile pele bangwe ba ba tswang kwa go Jakobe ba ise ba tle, a bo a ja fela le Baditšhaba; e rile bao ba sena go tla a ikgogona, a itomolola ka a boifa ba e leng ba bogwera.
Mme e rile ke fitlhela ba sa sepela ka tshiamo, ka fa boammaaruring jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Kefase fa pele ga bone botlhe ka re: “Fa wena yo o leng Mojuta, o tshela jaaka Baditšhaba, e seng jaaka Bajuta, o patelela Baditšhaba jang gore ba tshele jaaka Bajuta?”
le fa go ntse jalo, re ntse re itse fa motho a sa siamisiwe ka ditiro tsa molao, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete, le rona ra dumela mo go Keresete Jesu, gore re siamisiwe ka tumelo mo go Keresete, e seng ka ditiro tsa molao; gonne ga go motho ope yo o ka siamisiwang ka ditiro tsa molao.
Mme fa e rile re senka go siamisiwa mo go Keresete, le rona ka rosi ra fitlhelwa re le baleofi, a ke go re, Keresete ke modiredi wa boleo? A go se tualo.
Ke bapotswe le Keresete; le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong, e bong tumelo e e mo go Morwa Modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna.