BAEBELE e e Boitshepo 1992
|
| 1 |
| Ke gone ngwanaka, ka re, o thatafadiwe mo tshegofatsong e e mo go Keresete Jesu. |
| 2 |
| Dilo tse o di utlwileng mo go nna mo gare ga basupi ba le bantsi, tsone tseo o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba tlaa nonofang le go di ruta ba bangwe. |
| 3 |
| O tlhakanele bothata le nna, jaaka motlhabani yo o molemo wa ga Keresete Jesu. |
| 4 |
| Ga go motlhabani ope yo o reng a le mo ntweng a be a itlhakatlhakantse le dilo tsa botshelo jono; e be e le gore a kgatlhe ene yo o mo kwadileng motlhabani. |
| 5 |
| Le gone fa motho a tsena a leka mo ditshamekong, ga a ke a rwesiwa, fa a se ka a leka ka fa molaong. |
| 6 |
| Molemi yo o dirang, ke ene o tshwanetseng go nna wa ntlha go ja maungo. |
| 7 |
| O akanye se ke se buang; gonne Morena o tlaa go naya tlhaloganyo mo dilong tsotlhe. |
| 8 |
| Gakologelwa Jesu Keresete fa a tsogile mo baswing, e le wa losika lwa ga Dafite, ka fa Mafokong a a Molemo a me, |
| 9 |
| a ke tshwereng bothata mo go one, ke ba ke tsena mo dikgoleng jaaka modiradibe; mme lefoko la Modimo lone ga le a golegwa. |
| 10 |
| Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng. |
| 11 |
| Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae; |
| 12 |
| fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola; |
| 13 |
| fa rona re sa ikanyege, ene o ntse o boikanngo fela, gonne ga a ka ke a iitatola.” |
| 14 |
| O ba gakolole dilo tse, o ntse o ba laya mo ponong ya Morena, gore ba se ka ba ganela ka ga mafoko fela, mo go se nang thuso, e le mo go timetsang fela ba ba utlwang. |
| 15 |
| O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo. |
| 16 |
| O tshabe tse e leng dipalabalo tse di bosula; gonne ba ba di tlwaelang ba tlaa tswelela kwa pele mo boikepong. |
| 17 |
| Lefoko la bone le tlaa ja jaaka ntho e e kekelang; ba Humenaio le Fileto e leng ba bone; |
| 18 |
| e le batho ba ba fositseng boammaaruri, ba re: “Tsogo ya baswi e setse e fetile,” mme ba ribegetse tumelo ya bangwe. |
| 19 |
| Le fa go ntse jalo motheo o o nitameng wa Modimo o eme fela, ka o na le sekano se, go re: “Morena o itse ba e leng ba gagwe:” Le go re: “A mongwe le mongwe yo o umakang leina la Morena a kgaogane le tshiamololo.” |
| 20 |
| Jaana mo ntlong e kgolo go bo go se dijana tsa gouta le tsa selefera di le tsosi; le gone go na le tsa logong le tsa letsopa; dingwe ke tsa tlotlo, tse dingwe ke dijana fela. |
| 21 |
| Ke gone fa motho a itlhapisa mo dilong tsele, o tlaa bo a le sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se tshwanetseng go jela ka mong, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo. |
| 22 |
| O tshabe dithato tsa bokau, o latele tshiamo, le tumelo, le lorato, le kagiso, o na le ba ba bitsang Morena ka pelo e e itshekileng. |
| 23 |
| O gane dipotso tsa bonyana le tse di se nang kitso, o ntse o itse fa di tsosa dikgang fela. |
| 24 |
| Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; |
| 25 |
| a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. |
| 26 |
| Ba itse go itshomola mo serung sa diabolo, ka ba gapetswe go rata ga Modimo ke motlhanka wa Morena. |
|
| Boloka Dikwalo |
https://beblia.bible:81/BibleAudio/tswana/2timothy/002.mp3
4
2