Ke go re, a bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng;
Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.
E re ruta gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno;
yo o re intsheditseng gore a re rekolole mo tshiamololong yotlhe, le gore a intlafaletse batho ba ba tlaa nnang boswa jwa gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.