Se tlholeng lo bua ka mabela bobe jalo, a boitelaganyo bo se tswe mo molomong wa lona; gonne Jehofa ke Modimo wa kitso, mme ditiro di lekanngwa bokete ke ene.
Bone ba ba neng ba kgotshe ba ineetse go thapiwa ka tuelo ya dijo; mme ba ba neng ba bolailwe ke tlala ba bonye lobaka. Ee, baopa ba belege ba supa; mosadi yo o nang le bana ba le bantsi o a topetega.
O kakatlolola bahumanegi mo loroleng, o tsholetsa batlhoki mo thutubudung, go tla a ba dudisa le dikgosana, le go ba ruisa setulo sa kgalalelo sa bogosi; gonne maotwana a lefatshe ke a ga Jehofa, mme o tlhomile lefatshe mo go one.
Bone ba ba lwang le Jehofa ba tlaa thubaganngwa: o tlaa ba dumisetsa tumo ya maru kwa legodimong; Jehofa o tlaa atlhola dikhutlo tsa lefatshe; kgosi ya gagwe o tlaa e naya thata, o goletsa lonaka lwa motlodiwa wa gagwe.”
Temalo ya baperesiti mo bathong e ne e le go re fa monna mongwe a isa tlhabelo, go tle motlhanka wa moperesiti nama e sa ntse e apeilwe e bela, a tle a tshotse sekgogetsa nama se se dikobe tharo ka seatla;
a tlhabele ka sone mo pitsaneng, kgotsa mo ketleleng, kgotsa mo moetaneng kgotsa mo pitseng; gotlhe mo go tserweng ke sekgogetsa nama moperesiti a go tseye. Mo Shilo ba ne ba direla jalo Baiseraele botlhe ba ba yang gone.
Ee, ba ise ba fise mafura, go tle motlhanka wa moperesiti, a reye monna yo o isang tlhabelo a re: “Ntsha nama e tle e besediwe moperesiti; gonne ga a ketla a tsaya nama mo go wena e e apeilweng, fa e se e e tala fela.”
E re fa monna a mo raya a re: “A ga ba ke ba fisa mafura pele le gale, foo o tlaa tsaya ka fa pelo ya gago e eletsang ka gone;” foo ene o na a tle a re: “Nnyaa, e nneye fela jaana; fa o gana, ke tlaa e tsaya ka thata.”
Eli a segofatsa Elekana le mosadi wa gagwe a re: “A Jehofa a go neye losika ka mosadi yo, ka ntlha ya kadimo e e adimilweng Jehofa.” Mme ba ya kwa ga bone.
Jehofa a lekola Hana, mme a nna moimana, a bona bana ba basimane ba le bararo, le ba basetsana ba le babedi. Mme ngwana Samuele a golela fa pele ga Jehofa.
Jaana Eli o ne a tsofetse thata; mme a utlwa dilo tsotlhe tse bomarwawe ba di direlang Baiseraele botlhe, le jaaka ba ne ba tle ba lale le basadi ba ba direlang fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.
Fa motho a leofela yo mongwe, Modimo o tlaa mo atlhola; mme fa motho a leofela Jehofa, e mang yo o tlaa mo rapelelang?” Le fa go ntse jalo, ba se ka ba reetsa lentswe la ga rraabo, ka Jehofa a ne a laotse go ba bolaya.
Ga tla monna wa Modimo kwa go Eli, a mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘A ruri ke ne ka itshenolela ba ntlo ya ga rraago, ba le kwa Egepeto, ba le mo botlhankeng mo ntlong ya ga Faro?
A ke ne ka mo itshenkela mo ditsong tsa Iseraele, gore a nne moperesiti wa me, go tlhatlogela kwa sebesong sa me go fisa maswalo, go apara sekhutlana fa pele ga me? A ke ne ka naya ba ntlo ya ga rraago ditshupelo tsotlhe tsa bana ba Iseraele tse di dirwang ka molelo?
Ke gone, lo ragelelang tlhabelelo ya me, le tshupelelo ya me, tse ke di laoletseng boago jwa me; o ba o tlotla bomorwao bogolo go nna, go tla lo inontsha ka tse di tlhophegileng tsa ditshupelo tsa Iseraele, tšhaba ya me?’
Ke gone go buang Jehofa, Modimo wa Iseraele a re: ‘Ruri ke ne ke rile ba ntlo ya gago, le ba ntlo ya ga rraago, ba tlaa nna ba sepela fa pele ga me ka bosakhutleng,’ jaanong Jehofa a re: ‘A go nne kgakala le nna; gonne ba ba ntlotlang ke tlaa ba tlotla, mme ba ba nnyatsang ba tlaa nyadiwa.
Bona, metlha e etla, e ke tlaa kgaolang letsogo la gago ka yone, le letsogo la ba ntlo ya ga rraago, gore go se ka ga nna monna wa motsofe mo ntlong ya gago.
O tlaa bona mmaba mo boagong jwa me, mo khumong yotlhe e Modimo o tlaa e nayang Iseraele; mme ga go ketla go nna monna wa motsofe mo ntlong ya gogo ka bosakhutleng.
Motho wa gago wa monna, yo ke se ketlang ke mo kgaola mo sebesong sa me, o tlaa bo a nnela matlho a gago go a ja, le go tlhokofatsa pelo ya gago; le loato lotlhe lwa ntlo ya gago lo tlaa swela mo bonneng jwa bone.
Se, e tlaa nna sesupo mo go wena, se se tlaa tlelang bomorwao boo babedi, mo go Hofeni le Finease; ka letsatsi le le lengwe fela ba tlaa swa ka bobedi jwa bone.
Ke tlaa itsosetsa moperesiti yo o ikanyegang, yo o tlaa dirang ka fa go se se mo pelong ya me, le mo mogopolong wa me; ke tlaa mo agela ntlo e e tlhomameng; mme o tlaa sepela fa pele ga motlodiwa wa me ka bosakhutleng.
Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o tlaa tlogelwang mo ntlong ya gago, o tlaa tla a mo ikobela go tla a bona papetlana ya selefera, le kgolokwe ya senkgwe, mme o tlaa rapela gore a tsenngwe mo tirong nngwe ya baperesiti, gore a tle a bone dijonyana.’ ”