Bible in one year May 232 SAMUELE 17:1-291. Gape Ahithofele a raya Abesalome a re: “Mma ke tlhaole banna ba le 12 000, mme ke tlaa nanoga ke konatelela Dafite bosigo jono.2. Ke tlaa mo wela a sa ntse a lapile, a le bokoa, mme ke tlaa mmoifisa; mme batho botlhe ba ba nang nae ba tlaa tshaba; ke tlaa bolaya kgosi e le yosi fela.3. Ke tlaa busetsa batho botlhe kwano go wena; motho yo, fa o mo tlositse go tlaa bo go tshwana jaaka fa batho botlhe ba ka bo ba boile; jalo batho botlhe ba tlaa nna mo kagisong.”4. Polelo eo ya kgatlha Abesalome thata, le bagolwane botlhe ba Iseraele.5. Foo Abesalome a re: “Bitsa le ene Hušai wa Moareke, re utlwe se le ene o se buang.”6. E rile Hušai a sena go tla kwa go Abesalome, Abesalome a bua nae a re: “Ahithofele o buile jaana le jaana; a ke re dire jaaka a buile? Fa go sa nna jalo, a go bue wena.”7. Hušai a raya Abesalome a re: “Kgakololo e Ahithofele o gakolotseng ka yone monomotlha ga e molemo.”8. Gape, Hušai a re: “O a mo itse rraago, le banna ba gagwe, fa e le diganka, ba gakatsegile mo pelong tsa bone, jaaka bera e e tseetsweng diberana tsa yone kwa nageng; mme rraago ke monna wa ntwa, mme ga a ketla a robala le batho.9. Bona, jaana o a ba a iphitlhile gongwe mo mokoleng mongwe, kgotsa mo felong gongwe go sele; mme go tlaa dirala go re, e re fa bangwe ba bone ba ole ga ntlha, mongwe fela yo o utlwang o tlaa re: ‘Go na le polao mo bathong ba ba setseng Abesalome morago.’10. Le e leng ene yo o pelokgale, yo pelo ya gagwe e ntseng jaaka ya tau, o tlaa nyeregela ruri; gonne Baiseraele botlhe ba itse fa rraago e le motho yo o seganka, le bone ba o nang nabo e le banna ba ba pelokgale.11. Mme ke a gakolola, go re a Baiseraele botlhe ba phuthegele kwa go wena, go tswa Dane go ya fela kwa Berešeba, ba nne jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi; le go re o ye tlhabanong ka sebele sa gago.12. Jalo re tlaa mo wela felong gongwe kwa o tlaa fitlhelwang gone, re tlaa ririana mo go ene jaaka monyo o tle o wele fa fatshe; mme mo go ene le batho botlhe ba o nang nabo, ga re ketla re tlogela le fa e le a le mongwe fela.13. Gape fa a tsenye mo motseng mongwe, foo Baiseraele botlhe ba tlaa isa megala kwa motseng oo, re tlaa o gogela mo nokeng, go tsamaya go se ke go fitlhelwe lentswenyana le le lengwe fela gone.”14. Abesalome le banna botlhe ba Iseraele ba re: “Kgakololo ya ga Hušai wa Moareke e gaisa kgakololo ya ga Ahithofele.” Gonne Jehofa o ne a laotse go senya kgakololo e e molemo ya ga Ahithofele, e le gore Jehofa a tlise bosula mo go Abesalome.15. Foo Hušai a raya baperesiti Satoke le Abiathare, a re: “Ahithofele o gakolotse Abesalome le bagolwane ba Iseraele a re, a re; mme nna ke ba gakolotse ka re, ka re.16. Ke gone roma ka bonako, o bolelele Dafite o re: ‘O se ka wa robala bosigo jono fa madibogong a a mo lobaleng, le fa go ka bo go ntse jang o kgabaganye fela; kgosi e ka tla ya komediwa, le batho botlhe ba e nang nabo.’ ”17. Jaana boJonathane le Ahimaase ba ne ba ntse fa Enerogele; mme lelata lengwe le ne le tle le ye go ba bolelela; mme ba ye ba bolelele kgosi Dafite; gonne ba ne ba sa ka ke ba bonwa ba tla mo motseng.18. Mme mosimane mongwe a ba bona, a bolelela Abesalome; mme ba tsamaya ka potlako boo babedi, ba tla mo ntlong ya monna mongwe mo Bahurima, yo o na a na le mokole mo lwapeng lwa gagwe; mme ba fologela mo go one.19. Mosadi a ala sekhurumetso mo molomong wa mokole, a anega mabele a a thugilweng mo go sone; ga bo go sa itsiwe sepe.20. Batlhanka ba ga Abesalome ba tla kwa mosading mo ntlong; ba re: “Ahimaase le Jonathane ba kae?” Mosadi a ba raya a re: “Ba kgabagantse molatswana wa metsi.” Ya re ba sena go ba batla ba sa ba bone, ba boela kwa Jerusalema.21. Ga dirala ya re ba sena go tsamaya bale ba tswa mo mokoleng ba ya ba bolelela kgosi Dafite; ba raya Dafite ba re: “Nanogang, lo kgabaganye metsi ka bonako, gonne Ahithofele o gakolotse ka ga lona jaana le jaana.”22. Foo Dafite a nanoga le batho botlhe ba o nang nabo, ba kgabaganya Joretane; e rile bosa bo o sa ga bo go se na ope wa bone yo o se kang a kgabaganya Joretane.23. E rile Ahithofele a bona fa kgakololo ya gagwe e se ka ya tsholwa a belesa esela ya gagwe, a nanoga, a ya gae kwa motseng wa ga gabo, a baakanya ntlo ya gagwe, a tloga a ipeta; a swa, mme a fitlhwa mo phupung ya ga rraagwe.24. Foo Dafite a tla mo Mahanaime. Abesalome a kgabaganya Joretane, ene le banna botlhe ba Iseraele nae.25. Abesalome a tlhoma Amase mo taolong ya ntwa boemong jwa ga Joabe. Jaana Amase e ne e le morwa monna mongwe leina la gagwe e le Ithare wa Moiseraele, yo o ne a tsena mo go Abigale morwadia Nahaše, kgaitsadia Seruja mmaagwe Joabe.26. Baiseraele le Abesalome ba thibelela mo lefatsheng la Gileata.27. E rile Dafite a sena go tla mo Mahanaime, Shobi morwa Nahaše wa Raba wa bana ba Amone, le Makire morwa Amiele wa Lotebare, le Baresilai Mogileate wa Rogelime,28. ba lere malao, le megotšanyana, le dipitsana tsa letsopa, le mabele, le barele, le boupi, le mabele a a gadikilweng, le dinawa, le ditlhodi, le ditloofatshe tse di besitsweng,29. le dinotshe, le madila, le dinku, le ditšhisi, ba di leretse Dafite, le batho ba ba nang nae, go di ja, gonne ba re: “Batho ba bolailwe ke tlala, ba lapile, ba bolailwe ke lenyora mo nageng.”2 SAMUELE 18:1-331. Dafite a bala batho ba o nang nabo, mme a tlhoma balaodi ba makgolo a makgolo, le balaodi ba makgolo mo go bone.2. Dafite a bolotsa batho ba le dikabo di le tharo: kabo nngwe e laolwa ke Joabe, kabo e nngwe ya laolwa ke Abišai morwa Seruja, monnaa Joabe, kabo e nnge ya laolwa ke Itai wa Mogite. Kgosi ya raya batho ya re: “Ruri le nna ke tlaa bolola le lona.”3. Mme batho ba re: “Ga o bolole, gonne e tlaa re fa re tshaba, ga ba ketla ba re sepe ka rona; le fa re ka a swa bontlha e nngwe ga ba ketla ba re sepe ka rona; mme wena o kana ka batho ba ba 10 000 ba rona; jaana go molemo bogolo wa bo o iketleeditse go re thusa o le mo motseng.”4. Kgosi ya ba raya ya re: “Se lona lo se bonang se le molemo bogolo, ke tlaa se dira.” Kgosi ya ema fa kgorong, mme batho botlhe ba tswa ka makgolo le ka makgolo a masome.5. Kgosi ya laola Joabe le Abišai le Itai ya re: “Lo mamaisetse lekau leo, e bong Abesalome ka ntlha ya me.” Batho botlhe ba utlwa jaaka kgosi e laela balaodi botlhe ka ga Abesalome.6. Batho ba bololela Baiseraele kwa nageng; mme ga tlhabanelwa mo sekgweng sa Eferaime.7. Batho ba Iseraele ba lotlelwa gone fa pele ga batlhanka ba ga Dafite, mme ga nna polao e kgolo gone ka tsatsi leo, ya batho ba le 20 000.8. Gonne tlhabano e ne e anametse gone mo lefatsheng lotlhe; mme sekgwa sa nyeletsa batho ba le bantsi ka tsatsi leo bogolo go ba ba nyeleditsweng ke tšhaka.9. Abesalome a tshogana ka a kopana le batlhanka ba ga Dafite. Abesalome a bo a palame mmoulo wa gagwe, mmoulo wa huhumela dikala tse ditona tsa mooka o motona, tlhogo ya gagwe ya tshwarwa ke mooka, a lepelediwa gare ga legodimo le lefatshe; mmoulo o o fa tlase ga gagwe wa tsamaela pele.10. Monna mongwe a bona, a bolelela Joabe a re: “Bona, ke bonye Abesalome a akgega mo mookeng.”11. Joabe a raya monna yo o mmoleletseng a re: “Bona, o go bonye, ke ka ntlha yang o se ka wa mo otlelela gone mo mmung? Ke ne ke tlaa go naya dipapetlana tsa selefera di le some, le moitlamo.”12. Monna yoo a raya Joabe a re: “Le fa ke ne ke ka bo ke amogela dipapetlana tsa selefera di le makgolo a le some mo atleng sa me, le fa go ntse jalo ke ne ke sa ka ke ka ntshetsa morwa kgosi seatla sa me; gonne mo kutlong ya rona kgosi e laetse wena le Abišai le Itai ya re: ‘Lo itise gore ope a se ka a ama lekau leo, e bong Abesalome.’13. Fa nka bo ke ne ke dirile ka boferefere ka ga botshelo jwa gagwe, kaitse ga go na sepe se se lobelwang kgosi, foo le wena tota o ne o tlaa ntswa.”14. Foo Joabe a re: “Ga ke na go diega nao jaana.” A tsaya diputlela di le tharo, a ya a phololetsa pelo ya ga Abesalome ka tsone, a sa ntse a tshedile a le mo gare ga mooka.15. Makau a le some a a tshotseng dibolao tsa ga Joabe a hula Abesalome, a mo otlela, a mmolaya.16. Joabe a letsa lonaka, mme batho ba boa kwa go konateleleng Baiseraele; ka Joabe a rekegela batho.17. Ba tsaya Abesalome, ba mo latlhela mo lehuting le legolo mo sekgweng, ba koela mokoa o mogolo wa maje mo godimo ga gagwe; Baiseraele botlhe ba tshaba, mongwe le mongwe a ya mogopeng wa gagwe.18. Jaana ya bo e rile mo botshelong jwa gagwe Abesalome a bo a tlogile a ikagela sefikantswe se se motloutlo, se se mo mogogorong wa kgosi; gonne a re: “Ga ke na ngwana wa mosimane wa go nna segopodiso sa leina la me;” a raya sefikantswe seo leina la gagwe, se bidiwa sefikantswe sa ga Abesalome le gompieno.19. Foo Ahimaase morwa Satoke a re: “Mma ke siane, ke ise mafoko kwa kgosing, a jaaka Jehofa a e busoloseditse mo babeng ba yone.”20. Mme Joabe a mo raya a re: “Ga o ketla o nna moisamafoko gompeino, o tlaa isa mafoko ka letsatsi le sele; gompieno ga o ise mafoko ape, gonne morwa kgosi o sule.”21. Foo Joabe a raya motho wa Mokuše a re: “Ya o bolelele kgosi se o se bonyeng.” Motho wa Mokuše a ikobela Joabe, a siana.22. Foo Ahimaase morwa Satoke a raya Joabe gape a re: “Le fa go ka nna ka fa go nnang ka gone fela, ke a go rapela, o mme ke siane morago ga motho wa Mokuše.” Joabe a re: “O rata go siana ka ntlha yang morwaaka, ka o se ketla o bona tuelo epe ka mafoko a gago?”23. Mme a re: “Le fa go ka nna ka fa go ka nnang ka gone, ke tlaa siana fela.” Mme a mo raya a re: “Siana.” Foo Ahimaase a siana ka tsela ya Lobala, mme a sia motho wa Mokuše.24. Jaana Dafite a bo a dutse fa gare ga dikgoro tse pedi tsa motse, molebeledi a palama ditlhomeso tsa kgoro a ya kwa lorakong, a tsholetsa matlho a leba, mme bonang, monna a bo a siana a le esi.25. Molebeledi a kua a bolelela kgosi, mme kgosi ya re: “Fa a le esi o na le mafoko.” A tla fela, a atamela.26. Molebedi a bona monna yo mongwe a siana; molebedi a tlhaeletsa kwa mmuding wa setswalo a re: “Bona, monna yo mongwe o tla a sianye a le esi.” Kgosi ya re: “Le ene o tla le mafoko.”27. Molebedi a re: “Ekete tshiano ya wa pele e tshwana le tshiano ya ga Ahimaase morwa Satoke.” Kgosi ya re: “Ene ke monna yo o molemo, o a ba a tla le mafoko a a molemo.”28. Ahimaase a kua, a raya kgosi a re: “Go siame gotlhe.” A ikobela fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga kgosi, a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa gago, yo o tsentseng mo seatleng sa gago batho ba ba neng ba tsholeletsa kgosi morena wa me letsogo la bone.”29. Kgosi ya re: “A lekau Abesalome le tsogile sentle?” Mme Ahimaase a fetola a re: “E rile Joabe a roma motlhanka wa kgosi, e bong nna motlhanka wa gago, ka bona khuduego e kgolo, ga ke itse go re, e ne e le eng.”30. Kgosi ya re: “Fetela fa thoko, o eme fa.” A fetela fa thoko, a ema a didimetsa fela.31. Mme bonang, motho wa Mokuše a tla; motho wa Mokuše a re: “Go na le mafoko a kgosi morena wa me; gonne gompieno Jehofa o go busoloseditse mo go bone botlhe ba ba neng ba go tsogologetse.”32. Kgosi ya raya motho wa Mokuše ya re: “A lekau Abesalome le tsogile sentle?” Motho wa Mokuše a e fetola a re: “Baba ba kgosi morena wa me, le botlhe ba ba go tsogologelang go go utlwisa botlhoko, a ba nne jaaka lekau leo.”33. Kgosi ya huduega thata, ya palamela kwa ntlwaneng e e okameng kgoro, ya lela; ya re e tsamaya, ya bua jaana ya re: “Abesalome, morwaake wee! Abesalome, morwaake wee! A bo ke ka bo ke go swetse, Abesalome, morwaake wee! morwaake wee!”DIPESALEMA 66:16-2016. Ntlong lo utlweng, lona lotlhe ba lo boifang Modimo, mme ke tlaa kakanya se o se diretseng mowa wa me.17. Ke ne ka tlhaeletsa kwa go one ka molomo wa me, wa ba wa bakwa thata ka loleme lwa me.18. Fa nkabo ke ne ka tsaya boikepo tsia mo pelong ya me, Jehofa o ne a tlaa se ke a reetse.19. Ruri Modimo o utlwile; o tsere lentswe la morapelo wa me tsia.20. A go bakwe Modimo o o se kang wa faposa morapelo wa me, le fa e le boutlwelobotlhoko jwa one go bo faposa mo go nna.DIANE 16:31-3231. Tlhogo e e pududu ke serwalo sa kgalalelo, fa e bonwa mo tseleng ya tshiamo.32. Yo o bonya go galefa o gaisa yo o thata, le yo o laolang mowa wa gagwe o gaisa yo o gapang motse.JOHANE 7:28-5328. Foo Jesu a buela godimo mo tempeleng, a ruta a re: “Go le nna lo a nkitse, le kwa ke tswang teng, lo a go itse; mme ga ke a itere, mme yo o nthomileng o ammaaruri, yo lo sa mo itseng.29. Nna ke a mo itse; gonne ke tswa kwa go ene, mme o nthomile.”30. Foo ba senka go mo tshwara; mme go se ka ga dira le ope yo o mo tsenyang diatla, ka lobaka lwa gagwe lo ne lo ise lo tle.31. Mme mo bontsing jwa batho ba le bantsi, ba mo dumela; ba re: “Mogang Keresete o tlang, a o tlaa dira ditshupo tse di fetang tse monna yo o di dirileng?”32. Bafarisai ba utlwa jaaka batho ba bantsi ba sebetsanya dilo tse ka ga gagwe; mme ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba roma maotlana, gore ba ye go mo tshwara.33. Foo Jesu a re: “Ke sa na le lona ka lobakanyana, mme ke tloga ke ya kwa go yo o ntlhomileng.34. Lo tlaa mpatla, mme ga lo ketla lo mphitlhela; le kwa ke teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng.”35. Foo Bajuta ba raana ba re: “Ana monna yo o tlaa ya kae kwa re se ketlang re mo fitlhela teng? A o tlaa ya kwa Phalading e e kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika?36. Ana lefoko le ke eng, le o le buileng, a re: ‘Lo tlaa mpatla, mme ga lo ketla lo mphitlhela; le kwa ke teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng’?”37. Jaana ya re ka letsatsi la bofelo, e bong letsatsi le legolo la modiro, Jesu a ema, a buela godimo a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle mo go nna, a nwe.38. Yo o dumelang mo go nna, dinoka tsa metsi a a tshedileng di tlaa ela di tswa mo mpeng ya gagwe, jaaka dikwalo di buile.”39. Golo mo, a go bua ka ga Mowa, o ba ba dumetseng mo go ene ba ne ba tlaa o amogela, gonne Mowa o ne o ise a abiwe, ka Jesu a ise a galalediwe.40. Bangwe mo bontsing jwa batho ya re ba utlwa mafoko, a, ba re: “Ammaaruri, yo ke ene moperofeti.”41. Ba bangwe, ba re: “Yo ke Keresete.” Bangwe ba re: “Ao! A Keresete o tswa kwa Galilea?42. A dikwalo ga di a re: Keresete o tswa mo losikeng lwa ga Dafite, le kwa Bethelehema, motsana o Dafite o neng a nna mo go one?”43. Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe.44. Bangwe ba rata go mo tshwara; mme go se ka ga nna ope yo o mo tsenyang diatla.45. Foo maotlana a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le kwa Bafarisaing; mme ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa tleleng nae?”46. Maotlana a ba fetola a re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.”47. Foo Bafarisai ba a fetola ba re: “A le lona lo timeditswe?48. A bangwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarisai, ba dumetse mo go ene?49. Batho ba ba bantsi ba ba sa itseng molao, ba hutsegile.”50. Nikotemo – e bong ene yo o ne a ile kwa go Jesu gale, e le mongwe wa bone – a ba raya a re:51. “A molao wa rona o tle o sekise motho o ise o utlwe mo go ene pele, mme o itse se o se dirang.”52. Ba mo fetola ba re: “A le wena o wa Galilea? Botsisa, mme o bone fa go sa tswe moperofeti ope mo Galilea.”53. Mme mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe. Tswana Bible 1992 © Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved