Bible in one year June 142 DIKGOSI 15:1-381. E rile ka ngwaga wa 27 wa ga Jeroboame kgosi ya Iseraele, Asaria morwa Amasia kgosi ya Juta a simolola go busa.2. O rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 16; mme a busa ka dinyaga di le 52 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa Jerusalema.3. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Amasia rraagwe o ne a di dirile.4. Mme le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng.5. Mme Jehofa a itaya kgosi, a ba a tla a nna molepero go ya tsatsing la loso lwa gagwe, mme a nna mo ntlong e e kwa thoko. Jothame morwa kgosi ya nna ene molaodi wa ntlo, a atlhola batho ba lefatshe.6. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Asaria le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?7. Asaria a robala le borraagwe; mme ba mo fitlha le borraagwe mo motseng wa ga Dafite; Jothame morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.8. E rile ka ngwaga wa 38 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Sekaria morwa Jeroboame a busa Baiseraele mo Samaria ka dikgwedi di le thataro.9. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka borraagwe ba ne ba dirile; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.10. Mme Shalume morwa Jabeše a mo rera, mme a mo itaya fa pele ga batho, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe.11. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Sekaria, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.12. Le ke lone lefoko la ga Jehofa le o ne a le bua le Jehu a re: “Bomorwao ba tlaa dula mo setulong sa bogosi sa Iseraele go ya go fitlha mo kokomaneng ya bone.” Mme ga dirafala fela jalo.13. Shalume morwa Jabeše a simolola go busa ka ngwaga wa 39 wa ga Usia kgosi ya Juta; a busa ka sebaka sa kgwedi e le nngwe fela mo Samaria.14. Menaheme, morwa Gadi, a tswa kwa Tiresa, a tla mo Samaria, a itaya Shalume morwa Jabeše mo Samaria, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe.15. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Shalume, le morero o o ne a o dira, bonang di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.16. Foo Menaheme a kgemetha Tifesa le botlhe ba ba gone, le melelwane ya gone, go tswa Tiresa; ka ba se ka ba mmulela, ke gone ka fa o ne a ba kgemetha ka gone; le basadi botlhe ba ba gone ba ba ithweleng a ba roposa.17. E rile ka ngwaga wa 31 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Menaheme morwa Gadi a simolola go busa Baiseraele, a busa ka dinyaga di le some mo Samaria.18. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; mme ka metlha yotlhe ya gagwe ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one.19. Pule kgosi ya Asiria a bololela lefatshe; mme Menaheme a naya Pule ditalenta tsa selefera di le 1 000 gore letsogo la gagwe le nne nae go tlhomamisa bogosi mo seatleng sa gagwe.20. Menaheme a tsaya madi ka patiko mo go Baiseraele, e bong mo digankeng tsotlhe tse di humileng, dipapetlana di le 50 tsa selefera mo go mongwe le mongwe, go tla a a naya kgosi ya Asiria. Kgosi ya Asiria ya boela kwa morago, ya se ka ya diega gone mo lefatsheng.21. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Menaheme, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?22. Menaheme a robala le borraagwe, mme Pekahia morwawe, a busa mo boemong jwa gagwe.23. E rile ka ngwaga wa 50 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Pekahia morwa Menaheme a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le pedi.24. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one.25. Peka morwa Remalia, molaodi wa ntwa ya gagwe, a mo rera a mo itaya mo Samaria, mo kagong e e thata ya ntlo ya kgosi a na le Aregobe le Aria; a bile a na le banna ba le 50 ba Bagileate; mme a mmolaya, a busa mo boemong jwa gagwe.26. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Pekahia le tsotlhe tse o ne a di dira, di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.27. E rile ka ngwaga wa 52 wa ga Asaria kgosi ya Juta, Peka morwa Remalia a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, a busa ka dinyaga di le 20.28. Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one.29. Ya re mo metlheng ya ga Peka kgosi ya Iseraele, Tigelathe-pilesere kgosi ya Asiria a tla a gapa Ijone, le Abele wa Bethemaaka, le Janoa, le Keteše, le Hasora, le Gileate, le Galilea, lefatshe lotlhe la Nafetali; mme batho a ba isa kwa Asiria ba golegilwe.30. Hošea morwa Ela a rera Peka morwa Remalia, a mo itaya, a mmolaya, mme a busa mo boemong jwa gagwe, ka ngwaga wa 20 wa ga Jothame morwa Usia.31. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Peka le tsotlhe tse o ne a di dira, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele.32. E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele, Jothame morwa Usia kgosi ya Juta a simolola go busa.33. E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruše morwadia Satoke.34. A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa; a dira jaaka tsotlhe tse Usia rraagwe o ne a di dirile.35. Mme le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa ditlhabelo, ba fisa maswalo mo mafelong a a tlotlometseng. Ke ene yo o ne a swafatsa kgoro e e ka fa godimo ya ntlo ya ga Jehofa.36. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jothame, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?37. Ya re mo metlheng eo Jehofa a simolola go bololetsa Juta, Resine kgosi ya Siria le Peka morwa Remalia.38. Jothame a robala le borraagwe, mme a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite rraagwe; Ahase morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.2 DIKGOSI 16:1-201. E rile ka ngwaga wa 17 wa ga Peka morwa Remalia, Ahase morwa Jothame kgosi ya Juta a simolola go busa.2. E rile Ahase a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 20; mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema; ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka Dafite rraagwe.3. Mme a sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, ee, a ba a ralatsa morwawe molelo ka fa mekgweng e e makgapha ya baditšhaba, ba Jehofa o kileng a ba kgorometsa fa pele ga bone Baiseraele.4. O ne a tle a ise ditlhabelo a fise maswalo mo mafelong a a tlotlometseng, le mo godimo ga dithaba, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.5. Foo Resine kgosi ya Siria le Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele ba ya kwa Jerusalema ba le ntwa; mme ba tlhasela Ahase, mme ba retelelwa ke go mo fenya.6. Ya re ka lobaka loo, Resine kgosi ya Siria, a ba a gapa Elathe, a o busetsa mo Siria, a leleka Bajuta mo Elathe; Basiria ba tla mo Elathe ba aga gone nako e sa le eno.7. Jalo Ahase a roma batho ba ya kwa go Tigelathe-pilesere, kgosi ya Asiria, a re: “Ke motlhanka wa gago, ke bile ke morwao; tla o nkgolole mo seatleng sa kgosi ya Siria, le mo seatleng sa kgosi ya Iseraele ba ba ntsogologetseng.”8. Ahase a tsaya selefera le gouta tse di fitlhetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, le mo dikhumong tsa ntlo ya kgosi, a di isa kwa kgosing ya Asiria e le neo fela.9. Kgosi ya Asiria ya mo reetsa; mme kgosi ya Asiria ya bololela Damaseko, ya o gapa, ya isa batho ba gone kwa Kire ba golegilwe, ya ba ya bolaya Resine.10. Kgosi Ahase a ya kwa Damaseko a ya go kgatlhantsa Tigelathe-pilesere kgosi ya Asiria, mme a bona sebeso se se mo Damaseko, mme kgosi Ahase a isa kwa go Urija moperesiti setshwantsho sa sebeso le sekao sa sone, ka fa modirong otlhe wa sone.11. Urija moperesiti a aga sebeso sengwe, jaaka tsotlhe tse kgosi Ahase o ne a di rometse kwa go ene di tswa kwa Damaseko. Urija moperesiti a se dira jalo go tla se fitlhelwa ke kgosi Ahase fa a boa kwa Damaseko.12. E rile kgosi e boa kwa Damaseko, ya bona sebeso; ya atamela kwa sebesong ya isa tlhabelo mo go sone.13. A fisa tshupelo ya gagwe e e fisiwang, le tshupelo ya gagwe ya boupe, mme a thela tshupelo ya gagwe e e nowang, a ba a kgatsha madi a ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso mo sebesong.14. Sebeso sa kgotlho se se fa pele ga Jehofa, a se tlosa fa pele ga ntlo, go tswa fa gare ga sebeso sa gagwe le ntlo ya ga Jehofa, a se potisa sebeso sa gagwe ka kwa ntlheng ya botsheka.15. Kgosi Ahase a laola Urija moperesiti a re: “Mo sebesong se segolo o fise tshupelo e e fisiwang ya moso, le tshupelo ya boupe ya maitsebowa, le tshupelo e e fisiwang ya kgosi, le tshupelo ya yone ya boupe, le tshupelo e e fisiwang ya batho botlhe ba lefatshe, le tshupelo ya bone ya boupe, le ditshupelo tsa bone tse di nowang; o bo o kgatshe mo go sone madi otlhe a tshupelo e e fisiwang, le madi otlhe a setlhabelo. Mme sebeso sa kgotlho e nne sa me fela go botsa ka sone.”16. Urija moperesiti a dira jalo jaaka, tsotlhe tse kgosi Ahase o di laotseng.17. Kgosi Ahase a kgaola masinamelo a ditlhomo, a tlosa mogopo wa botlhapelo mo go tsone; a pagolola “lewatle” mo dikgomong tsa kgotlho tse di ne di le tlase ga lone, a le baya mo bophaphatlhong jwa matlapa.18. Tsela e e ruletsweng seloobo ya Sabata, e ba ne ba e agile mo ntlong, le botseno jwa kgosi jwa kwa ntle, a di faposetsa go ya kwa ntlong ya ga Jehofa ka ntlha ya kgosi ya Asiria.19. Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Ahase tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?20. Mme Ahase a robala le borraagwe, a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite; mme Hesekia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.DIPESALEMA 73:21-2821. Gonne pelo ya me e ne e le botlhoko, mme ka tlhajwatlhajwa mo diphilong tsa me;22. ka bo ke le popego ya sefolofolo fela mo go ntseng jaana, ke se na kitso; ka nna jaaka phologolo fela fa pele ga gago.23. Le fa go ntse jalo ke ntse ke na nao ka metlha yotlhe; o ntse o tshwere seatla sa me se segolo.24. O tlaa nketelela pele ka kgakololo ya gago, morago o tlaa nkamogela mo kgalalelong.25. Ke na le mang kwa legodimong fa e se wena? Le mo lefatsheng ga go na ope yo ke mo eletsang fa e se wena.26. Nama ya me e a fela, le pelo ya me; Modimo ke thata ya pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng.27. Gonne, bona ba ba leng kgakala nao ba tlaa nyelela; o sentse botlhe ba ba go tlogelang ba ya boakeng.28. Mo go nna go molemo go atamela Modimo; ke dirile Morena Modimo botshabelo jwa me, gore ke tle ke bolele ka ga ditiro tsa gago tsotlhe fela.DIANE 18:20-2120. Mpa ya motho e tlaa tladiwa ka loungo lwa molomo wa gagwe; o tlaa kgorisiwa ka totafalo ya dipounama tsa gagwe.21. Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.JOHANE 21:1-251. E rile morago ga dilo tse, Jesu a ba a ipontsha barutwa ba gagwe gape kwa lewatleng la Tiberia, mme a iponatsa ka mokgwa o o ntseng jaana:2. Ga bo go le mmogo Simone Petere, Thomase yo o bidiwang Didimo, le Nathanaele wa Kana wa Galilea, le bomorwa Sebete, le barutwa ba gagwe ba bangwe ba le babedi.3. Simone Petere a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba bolola ba tsena mo mokorong; mme ba se ka ba lala ba tshwere sepe sigong joo.4. Ya re bosigo boo sa, Jesu a ema fa mošaweng; le fa go ntse jalo barutwa ba bo ba sa itse fa e le Jesu.5. Foo Jesu a ba raya a re: “Bana, a lo na le sengwe se se jewang?” Ba mo fetola ba re: “Nnyaa.”6. A ba raya a re: “Digelang lotloa ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga mokoro, mme lo tlaa tshwara.” Foo ba lo digela, mme ba retelelwa ke go lo goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi.7. Foo morutwa yo Jesu o mo ratang, a raya Petere a re: “Ke Morena.” Ya re Petere a utlwa fa e le Morena, a ikgatlhelela kobo ya gagwe, gonne o ne a sa apara sepe, mme a ithabuetsa mo lewatleng.8. Barutwa ba bangwe ba tla ka mokorwana, gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka ne e le sebaka sa mabogo a 200, boo ba tla ba goga lotloa lo tletse ditlhapi.9. Jalo ya re ba tswela fa lefatsheng, ba bona molelo o o magala teng, o na le ditlhapi di besitswe mo go one, le senkgwe.10. Jesu a ba raya a re: “Lereng ditlhapi dingwe tsa tse lo di tshwereng gompieno.”11. Foo Simone Petere a pagama, a gogela lotloa kwa lefatsheng, lo tletse ditlhapi tse ditona, di le 153; mme le fa di le bontsi jo bo kalo, lotloa ga lo a ka lwa kgaoga.12. Jesu a ba raya a re: “Tlang lo fitlhole.” Mme go se ka ga dira le ope wa barutwa yo o ka lekang go mmotsa go re: “O mang?” ka ba itse fa e le Morena.13. Jesu a fitlha a tsaya senkgwe, a se ba naya le tsone ditlhapi jalo.14. Ya bo e le lone lwa boraro fa Jesu a ipontsha barutwa, a sena go tsoga mo baswing.15. Jalo e rile ba sena go fitlhola, Jesu a raya Simone Petere a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata bogolo go ba?” A mo raya a re: “Ee, Morena; o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.”16. A ba a mo raya gape lwa bobedi a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” A mo raya a re: “Ee, Morena o a itse fa ke go rata.” A mo raya a re: “Disa dinku tsa me.”17. A mo raya lwa boraro a re: “Simone, morwa Johane, a o a nthata?” Petere a hutsafala ka gobo a mo reile lwa boraro a re: “A o a nthata?” Mme a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o itse fa ke go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me.18. Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, e rile o sa le lekau, wa nna wa itlama fela, wa itsamaela kwa o go ratang; mme o tlaa re o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo, mme o sele o tlaa go tlama, a go isa kwa o sa go rateng.”19. Mme jaana, golo mo, a go bua, a kaya loso lo o tlaa galaletsang Modimo ka lone, ka fa lo tlaa nnang ka gone. Mme ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshala morago.”20. Petere a retologa, a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a ba setse morago; e bong ene yo o neng a ikaega mo sehubeng sa gagwe, jale ka go jewa selalelo, a ba a bua a re: “Morena yo o go okang e mang?”21. Petere ya re a mmona a raya Jesu a re: “Morena, mme motho yo, o tlaa dirang?”22. Jesu a mo raya a re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena? Wena o ntshale morago fela.”23. Polelo eo ya anamela mo bakaulengweng, gore morutwa yoo, ga a ketla a swa; le fa go ntse jalo Jesu ga a ka a re ga a ketla a swa; fa e se go re: “Fa ke rata a diega go tle go tsamaye ke tle, e be e le eng go wena?”24. Yo, ke ene morutwa yo o supang dilo tse, a ba a kwala dilo tse; mme re a itse fa tshupo ya gagwe e le ammaaruri.25. Go bile go na le dilo di le dintsi di sele tse Jesu o di dirileng, tse e ka reng fa di ne di ka kwalwa tsotlhe, ke a gopola gore le e leng lefatshe le ne le sa ka ke la bonela dikwalo tse di neng di ka kwalwa sebaka sa go di tshola. Tswana Bible 1992 © Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved